Current Projects
Kgalagadi Human Origins (KHO) 2021-2027


Palaeoecology and Open-Landscape adaptations of Pleistocene humans in South Africa (PEOPLE) 2022-2027
PEOPLE ke tiro ya dingwaga di le tlhano e e tshegeditsweng ka madi a Lekgotla la Patlisiso la Yuropa (ERC nomoro ya madi 101039711) e e eteletsweng pele ke mmatlisisi yo mogolo Dr. Michael Toffolo kwa Centro Nacional de Investigación sobre la Evolución Humana (CENIEH) kwa Burgos (Spain). Tiro e e tla batlisisa ditsamaiso tsa tikologo tsa Aforika Borwa ka mokgwa o o farologaneng wa go sekaseka tsela e batho ba neng ba tsibogela phetogo ya loapi ka teng ka nako ya Dingwaga tsa Bogare tsa Lentswe (MSA). Dr. Michaela Ecker o na le seabe mo tirong eno e le modiri mmogo le ene ka go dirisa di-isotope tse di tlhomameng tsa di-lipid tsa dimela tse di tserweng mo matlakaleng a dilo tsa bogologolo go sekaseka diphetogo tsa tikologo ya lefelo leo fa nako e ntse e tsamaya. Go go feta fa: peopleproject.eu
Tlhatlhobo ya past ecological corridors ka go dirisa ditshwantsho tsa segompieno tsa loapi 2020-ongoing
Ka tirisano mmogo magareng ga baithuti ka tikologo ya bogologolo, ba ba dirang ditshwantsho tsa loapi le baithuta marope, tiro e e ne ya tlhama mekgwa e mesha ya go kopanya tshedimosetso ya ditshwantsho tsa loapi la lefatshe ka tlhamalalo le dintlha tsa tikologo ya bogologolo go dira dintshwantsho tsa go anamisiwa ga dimela le go bona gore ke eng se se neng se dira gore di nne teng ka nako ya lefatshe le santse le apesitswe ke dikgapetla tse di kgolo tsa metsi. Tshedimosetso e e dirisiwa go dira dikakanyo ka go anama ga diphologolo kgotsa batho mo mafelong a a farologaneng mo nakong e e fetileng. Tiro e ke tirisanommogo ya ga Dr. Hiromitsu Sato (University of Toronto, Canada), Dr. Douglas Kelley (UK Centre for Ecology & Hydrology, UK) le Dr. Ke Michaela Ecker. Pampiri nngwe e e itabagantseng le go tlhatlhoba kabelelo ya “refugia hypothesis” ya kwa Amazon ka nako ya fa go ne go na le dikgapetla tse dikgolo tsa metsi, gone jaanong e santse sekasekwa. Tiro e e latelang e e rulagantsweng ke ya go dira ditshwantsho tsa go anama ga batho mo Afrika ka nako ya lefatshe le santse le apesitswe ke dikgapetla tse di tona tsa metsi(Pleistocene) , go dirisiwa tshedimosetso ya thutamarope.


The Northern Cape Archaeology and Ecology Project (NCAEP) 2019 – se se diragalang
Sara Rhodes (Interdisciplinary Center for Archaeology and Evolution of Human Behaviour (ICArEHB), University of the Algarve) le Michael Chazan (University of Toronto) ke bone baba eteletseng pele tiro ya NCAEP. Ditshekatsheko tse di leka go atolosa kitso e renang le yone mabapi le ditiragalo tsa pele tse di supang kgolagano ya ditshidi le tikologo, ka nako ee neng go dirisiwa matlapa e bidiwang Later Stone Age mo Northern Cape, Aforika Borwa. Tiro e e akaretsa ditlhatlhobo tse dintsha tse di dirilweng ko logageng la Wonderweck le ko Ghaap Plateau ee tsenelelang mo dinakong tsa Later Stone Age, e e dumalanang le maduo a dipatisiso tse di tlhomameng. Mme Michaela Ecker le ene ke mongwe wa ba batisisi mme bogolosegolo a lebelets tsa go fetoga ga tikologo ka nako ya fa batho ba nako eo ba ne ba nna fa. Go itse go go feta fa: http://www.icarehb.com/srhodes/
Maduo: Rhodes, S.E., Goldberg, P., Ecker, M., Horwitz, L.K., Boaretto, E. and Chazan, M., 2021. Exploring the Later Stone Age at a micro-scale: New high-resolution excavations at Wonderwerk Cave. Quaternary International. https://doi.org/10.1016/j.quaint.2021.10.004
Tiro ya Logaga la Wonderwerk , Afrika Borwa 2013 – se se diragalang
Logoga la Wonderweck ke lengwe la magaga a bogologolo tala le le nang le bosupi ja tshimologo ya sika loo motho, le tshupo ya tiriso ya molelo. Ditshekatsheko go tswa mo masalaleng aa epilweng ke ba boitsaanape ba Archaeology a supa fa naga e e sekaka e, ene e nniwa dingwaga tse di hetang di dikakadike tse pedi.
Ene yare ka ngwaga wa 2013, Michaela Ecker a tsenelela tiro e, mme thata a ganeletse mo go diriseng maranyane mo logageng go supa ka fa logaga ne le dirisiwa ka teng ka nako tse di farologanyeng. Ka nako eo one gape e le moithuti a dirisa marapo le masalela a dimela go tswelela a sekaseka. E sale ka ngwaga wa 2004 dipatisiso tsa legaga la wonderweck ntse di eteletswe pele ke Michael Chazan wa (University of Toronto) ga mmogo le Liora Horwitz (The Hebrew University, Jerusalem), ga mmogo le babatlisisi ba ka tshwara masome a mararo ba mafatshefatshe. Go itse go feta fa www.wonderwerkcave.com.

Past Projects
Mid-Pleistocene environments of the lower Vaal river (MINERVA), Marie Sklodowska-Curie Project 2019-2021


Go dira diirisiwa tse di bontshang seemo sa bosa mo kgaolong ya pula ya selemo kwa borwa jwa Afrika ka nako ya Mid-Pleistocene 2016-2020
Tiro e, re e tshwaraganetse mmogo le ba Hiromitsu Sato (University Toronto, Canada), Douglas Kelley (Centre for Ecology and Hydrology, UK), re irisa tepo ya loapi go batlisisa dintlha tse di irang gore go nne le dikai tse re di bonang mo ditshedimosetsong tsa paleoenvironment.
Maduo: Ecker, M., Kelley, D. & Sato, H. Modelling the effects of CO2 on C3 and C4 grass competition during the mid-Pleistocene transition in South Africa. Sci Rep 10, 16234 (2020). https://www.nature.com/articles/s41598-020-72614-2
Dipatlisiso kwa Pniel, Lower Vaal River, Afrika Borwa 2017-2019
Motlhotlhomisi o mogolwane: Michaela Ecker & David Morris (McGregor Museum).
Dithuso ka madi Quaternary Research Association (QRA) Quaternary Research Fund; Rust Family Foundation & The Palaeontological Scientific Trust (PAST), Johannesburg, South Africa.
Maduo: Ecker, M., Bank. C.-G., Chazan, M., Chen, Y., Green, G., Morris, D., Stoikopoulos, N., Shadrach, K., Stratford, D., Duke, H. 2021, Revisiting Pniel 6: the 2017-2019 excavations. South African Archaeological Bulletin 76(214), 57-69.


Dikgapa tsa mae a bo Mantshe: go bolokiwa, go balwa ga dingwaga le go tlhatlhobiwa ga tikologo
Dikgapa tsa mae a bo Mmantshwe di tletsetletse mo mafelong a bogologolo mo Borwa jwa Aforika. Go motlhofo go di lemoga ebile di irisiwa go sekaseka tikologo ya bogologolo le go supa nako ya tshimologo ya tikologo eo.
Maduo:
Demarchi et al. 2016 in eLife. Project lead by Julia Lee-Thorp (University of Oxford) and Kirsty Penkman (University of York) on amino acid dating and protein diagenesis of ostrich eggshell. https://elifesciences.org/articles/17092
Ecker et al. 2015 in Palaeoecology of Africa. PDF