Ditshekatsheko ka thotoetso ya Emmy Noether ‘Kgalagadi Human Origins’ di tla simolola ka Seetebosigo, 2021.Tiro e , e tla tsaya selekanyo sa ngwaga tse thataro, e batisisa seabe sese bakilweng ke phetogo e ntsi ya Loapi ee diragetseng morago ga Mid-Pleistocene Transition, e e bakileng phetogo mo matshelong a sika loo motho mo Borwa jwa Kalahari.
Tshoboko ya tiro: Phetogo-phetogo ya sika loo motho mo Aforika e amanngwa thata le diphetogo tsa loapi le tikologo. Paka ya nako e e fa gare ga dikete tsa makgolo aa robabobedi le dikete tsa makgolo aa masome a mane, pele ga paka ya gompieno, e botlhokwa fela thata, ka ele paka ee leng mo go yone batho ba segompieno ba simolotseng go tlhagelela mo go yone. Karolo nngwe ya yone e akaretsa nako ya diphetogo tse dikgolo mo loaping e e itsegeng e le Mid-Pleistocene Transition (MPT) fa go ne ga nna le dipalo tse di kwa godimo thata tsa dipaka tsa kgakologo ya lefatshe. Le fa gontse jalo ga go na tshedimosetso e e lekaneng ya tikologo mo lefatsheng go tswa Aforika borwa go sekaseka ditlamorago tsa diphetogo tse tsa loapi le tikologo mo ditsheding tsa Sub- Tropical ga mmogo le thulaganyo ya phetogo ya batho ba segompieno le batho ba bogologolo. Maikaelelo a tiro ya Kgalagadi Human Origins ke go tlhomamisa seabe sa MPT mo phetogong ya motho ka nako ya Mid-Pleistocene gone mo borwa jwa lekadiba la Kalahari. Go ka diragatsa se, thulaganyo ya go dirisa didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo tsedi bonelang ko pele e dira gore go iriwe tiro e ntsi ya go bonatsha dilo tsa bogologolo mo dikgaolong tse pedi tse di farologaneng tsa kgaolo ya Kgalagadi e e kwa borwa kwa Botswana le mo Afrika Borwa ga mmogo le bontsintsi jwa dintlha tsedi farologaneng tsa tikologo ya bogologolo, tsedi tswang mo mafelong a tiro, tse di irisiwa go sekasekase diphetogo mo dimeleng le mo ditsamaisong tsa dipula tsa setlha tse di neng tsa dira gore go nne le tikologo ya segompieno e e omeletseng e e leng lefelo le batho ba sa kgoneng go tshela mo go lone gompieno. Maitlamo a tiro e ke go tokafatsa kitso ya rona mabapi le go fetofetoga ga batho le tikologo ka ntlha ya phetogo ya loapi ee feteletseng ebile ele bofefo le go tlhomamisa seabe sa yone mo go nneng teng ga Homo sapiens ka ele motho yo o kgonneng go falola mo gare ga mefuta e mentsi ya batho.
Bala go feta fa: German Research Foundation (DFG) – Database (GEPRIS, in English)
Setshwantsho sa lenaneno se se supang makgamu a tiro tse thataro:

